“Re ya mabenkeleng! Re ya mabenkeleng!” Afrika o ne a tlolela kwa godimo le kwa tlase mo pele ga Dintle. Mmagwe, Mme wa Afrika, o ne a nyenya, mme Dintle a opa diatla.

“Ee,” ga bua Mme wa Afrika, “jaanong rwala ditlhako. Re tshwanetse go itlhaganela. Re sa ntse re tshwanela go ya kwa boemelabeseng.”

Kwa boemelabeseng, go ne go le batho ba bantsi ba ba emetseng bese. Fa ba tsena botlhe mo beseng, mongwe le mongwe o ne a pitlagane go se kae. Dintle o ne a dutse mo godimo ga Mme wa Afrika. Mme mme mongwe a dula fa thoko ga gagwe. Afrika o ne a dutse mo letlhakoreng le lengwe la ga mmagwe, a pitlagantswe ke fensetere. Mme o ne a se na bothata ka seo ka gonne o ne a kgona go lebelela kwa ntle ga fensetere.

Kwa bofelong, mokgweetsi a goa, “Boemelabese jwa bofelo!”

“Tlaya, Afrika. Re fologa fa,” ga bua mmagwe.

Fa ba se na go fologa bese, Mme wa Afrika a belega Dintle mo mokwatleng wa gagwe. “Nna gaufi le nna,” a bolelela Afrika. “Lefelo le le tlhanasela thata.”

Le ne le tlhanasela thata. Go ne go le batho ba ba tshwereng dikgetsana le go kgorometsa diteroli tse di tletseng dithoto. Gape go ne go le mosadi yo o neng a rwele dithoto tsa gagwe ka tlhogo.