neo-6col-flat-lores

Go tswa kwa godimo mo dikaleng, Neo o ne a kgona go bona go fitlha kwa bofelong jwa lefatshe. Mme go ne go na le dilo tse dintsi golo gongwe kwa, moo go batlileng go mmoifisa go nagana ka gone.

Mme fela setlhare se ne se mo tshwere ka pabalesego, mme se ne sa mo sebela, “Tsamaya o ye go tsamayatsamaya kwa teng. O se ke wa tshaba. Teng koo ke lefatshe le le ntle, le legolo, le le sephara.”

Ka jalo, Neo o ne a fologa mme o ne a tswelela ka loeto la gagwe go ralala naga.

Ka bonako, o ne a kopana le seolo sa santa e e popota se se nang le marobanyana, a a jaaka dikgoro tse dinnye. O ne a kgona go utlwa mantswe a le milione a mo teng, le medumo ya go tsamayatsamaya e le dimilione tse di thataro tsa maoto a mannye a ntse a taboga a ya kwa le kwa.

“Dumela! Ke wena mang?” Neo o ne a botsa mo go nngwe ya dikgoro.

“Dumela!” go ne ga araba lentswe le lennye. “Re ditshoswane. Re anela mainane a lefatshe mo teng mo. A o batla go utlwa mangwe a one?”

Neo o ne a rata mainane, ka jalo o ne a nna mo fatshe mme a reetsa. Ditshoswane di ne tsa mmolelela mainane a tsone a mo nageng le mo sekgweng, le a dithaba le ditoropokgolo tse di kgakala.

“Mainane a mantsi jaana?” Neo o ne a botsa.

“Go na le mainane a mantsi fela jaaka go na le dinaledi mo loaping,” go ne ga araba ditshoswane.

Neo o ne a laela, mme a tswelela ka loeto la gagwe go ralala naga.