“A re yeng!” Tin a goa jalo. “A re ketekeng! Kgotsa a lo batla We Can Band go thusa?”
“Yebo, ee!” batho ba goa.
Tin a leba-leba mo tikologong. “E kae bente e? Ga ke ba bone gope fela. Moletlo o ka se nne monate fa ba seyo. Ke tlile go tlhoka thuso. Setlhopha ke sone fela se ka diragatsang toro eno!”
Tin a nyenya a lebile bontsi jwa batho. “Ke tlhoka ba le babedi ba ba ka betsang moropa.”
Neo le Hope e ne e le bona ba ntlha go tsholetsa diatla. Fa ba palama serala, Tin a ba isa mo metemeng e mene e megolo ya kofi ya dikhurumelo tsa polasetiki. Meteme e ne e kgabisitswe ka dipampiri le dikonopo tse di mebalabala. Gape go ne go na le dithobane tsa moropa tsa ga Neo le Hope.
“Jaanong re tlhoka seletswa se se kgotlhokgotshiwang,” Tin a rialo.
“Josh! Bitsa Josh!” Neo a goa.
“A o teng Josh? Josh o kae? Mmitseng a tle kwano,” Tin a bua a tshega.
Josh a tsholetsa seatla. Banna ba babedi ba mo pega mo seraleng ka setulo sa gagwe sa maotwana.
“Re a go amogela, Josh,” Tin a rialo. “Lekeletsa dikgotlhokgotshi tse pedi tse.”
Josh a kgotlhokgotsha se le sengwe, a bo a kgotlhokgotsha sa bobedi. Di ne di ntsha medumo e e farologaneng.
“O di letsa sentle,” Tin a mo rialo. “JAANONG, A RE…”
Pele a ka fetsa go bua, ke fa ditshipi di itaaganela kwa godimo. Botlhe ba leba go bona gore e ne e le modumo wa eng.
Noodle o ne a taboga mo seraleng a goga meteme e bofagantswe mmogo ka mogala.
Tin a goa a re, “Go lela ditshipi!”. “Ke ne ke ithaya ke re di latlhegile.”
Bella a tobogela kwa seraleng. A bitsa a re, “Noodle!” Noodle a tobogela kwa go Bella, meteme e tsositse modumo ka fa morago ga gagwe.
“Go siame,” Tin a rialo a tshega. “Ke akanya gore Noodle o batla go nna mongwe wa ba We Can Band. A supa Bella a re, “Ke akanya gore o batla gore le wena o nne mongwe wa rona.”
Tin a goga Bella go mo thusa go palama serala mme ba rarolola meteme e e neng e ithatheletse ka mmele wa ga Noodle. Mme Bella le Noodle ba ya go ema fa thoko ga ga Neo, Hope le Josh.
Tin a simolola go letsa katara mme a re, “A MMINO O SIMOLOLE!”
Fa Tin a supa Neo le Hope, ba itaya meropa ya bone. Tin a opela, “La molema kwa morago,” mme a supa kwa bathong.
Batho ba opela ba re, “La molema kwa morago.”
Morago ga moo Tina a supa Josh mme a kgotlhokgotsha dikgotlhokgotshi go tsamaisana le meropa.
“La moja kwa morago,” Tin a opela.
“La moja kwa morago,” batho ba opela.
Tin a supa Bella. Meteme e e neng e golagantswe ya itagaana monate fa Bella a e dikolosa mo phefong ka mogala. Noodle a bogola ka boitumelo.
Moletlo o ne o fagile jaanong. Tin a opela dipina tsa gagwe fa Neo, Hope, Josh le Bella ba ntse ba tshameka. Noodle a bogola gangwe le gape go nna karolo ya moletlo!
Mongwe le mongwe wa diopedi tse di etileng ba opela dipina go tswa kwa dinageng tsa bone. Batho ba duduetsa le go opa diatla. Ba ratile moletlo ono!
Tin a raya We Can Band a re, “A lo a bona, setlhophanyana se se diragaditse moletlo! Ke a lo leboga lona ba bane … Le Noodle, botlhe ba itumeletse moletlo o o monate!”