Bogologolo-tala kwa motsaneng wa Kagisano, go ne go nale monna a bidiwa Malepa. Mosadi wa gagwe o ne a bidiwa Dineo. Ba ne ba na le bana ba le barataro. E ne e le basetsana fela.

Erile fa Dineo a le moimana ka ngwana wa bona wa bosupa, Malepa a mo tshosetsa a re, “Fa o ka tshola mosetsana gape, ke tlile go go bolaya. Mme fa o ka tshola mosimane, ke tla go direla moletlo o mogolo!”

Fa nako ya go belega e fitlhile, Dineo a ya go mmelegisi wa setso. A ngwana e tla nna mosimane kgotsa mosetsana?

E ne e le mosimane LE mosetsana โ€“ mawelana! O ne a taa mosimane leina a re ke Gosego mme mosetsana ya nna Pabalelo. O ne a tlala boitumelo fa a lebelela Gosego, mme a hutsafala fa a lebelela Pabalelo. A utlwa fela gore a ka dira selo se le sengwe.

Dineo o ne a tlogela Pabalelo mo tlhokomelong ya mmelegisi mme a ya gae le Gosego.

Ka boipelo o ne a bontsha Malepa ngwana wa bona wa mosimane. Malepa o ne a itumetse thata mme a bitsa motse otlhe go tla go keteka tsalo ya morwa wa gagwe.

Gosego o ne a gola ya nna lekolwane le le lebegang. Le Pabalelo o ne a gola go nna lekgarebe le le lebegang.