Ke fa mosadi a tsamaela kwa ntlheng ya molomo wa Noka ya Tugela koo ntsu ya ditlhapi e neng e tsoma teng. Fa a mmona o ne a mmitsa ka leina la gagwe.

Ntsu e kgolo ya ditlhapi e ne ya bua le ena ka mabetwaepelo. “Ko-ko-ko-ko! Ke goreng o ntshwenya fa ke tsoma?”

3

“Ao, Ntsu ya Ditlhapi e e botlhale,” go ne ga bua mosadi, “Ke senkana le dinaane. A o a itse gore nka di bona kae?”

“Ee,” ga bua Ntsu ya Ditlhapi, “Ke a itse gore o ka thusiwa ke bomang. Ya kwa matlapa a kopanang le lewatle. Ema teng mme o bitse kgarubane e kgolo.”