Bogologolo tala, mosadi o ne a nna le balelapa la gagwe mo motseng mo Bogosing jwa Zululand. Ka Latshipi lengwe le lengwe balelapa ba ne ba ya kwa lewatleng le legolo. Bana ba ne ba epa mo mošaweng le go tshamekela mo makhubung. Mosadi o ne a apaya dijo mo molelong fa monna wa gagwe a ne a batla dikgong tse di kgwilweng ke lewatle gore a betle dilo tse di ntle: dinonyane, batho le mefuta yotlhe ya diphologolo.

Mo gare ga beke balelapa botlhe ba ne ba dira ka natla mme mo maitseboeng ba ne ba nna go dikologa molelo. Go ne go le lefifi thata gore ba ka dira kgotsa ba ka tshameka kgotsa ba ka betla e bile go ne go le phakela gore ba ka ya go robala. Mme ke ka yone nako e bana ba neng ba kopa mme wa bone gore a ba tlhabele dinaane.

1

“Mme,” ba ne ba kopa,“re batla dinaane. Tsweetswee re tseele naane e le nngwe tlhe.”

Mme le fa a lekile ka bojotlhe go akanya ka kgang, o ne a sa kgone go e nagana. Ena le fa e le monna wa gagwe ba ne ba sena dinaane dipe tse ba ka di tsayang.

Ka letsatsi lengwe, mosadi o ne a tsaya tshwetso ya go kopa baagisanyi thuso.

“A lo na le dinaane?” o ne a ba botsa.

“Nnyaa,” ba ne ba tshikinya ditlhogo tsa bona, “ga re na tsona.”

Go ne go se na dinaane. Go ne go se na ditoro … e bile go ne go se na dikanelo tsa malepa.

Monna wa gagwe o ne a tshitsinya, “Mogatsaka, ke nagana gore o tshwanetse go senka dinaane. Ke tla sala ke tlhokomela bana ba rona le ntlo. Senka dinaane dingwe mme o tle le tsona.”