Ke fitlhile kwa gae ke kgobegile marapo tota, ke sa itse itse gore ke ree bana ba me kereng. O bolelela jang bana gore Rrabone a ka sa tlhole a boa? Gore ba ka se tlhole ba mmona gape? Botlhoko bo ke bo utlwang nka se eletse ope gore a nne mo go bone, le eseng mo sereng sa me. Ga ele gore bomalome ke bone tiro ya dilo tse, bosetlhogo bo bo kana bathong? Mme kana gate ga se lwantlha ba dira jaana, kgaitsadiabone gate nyeletse fela ka one mokgwa o. Ke gore ba setse ba tlwaetse, mahumo a otlhe a banang le one a tswa mo go rekiseng bamasika a bone mme kana Modimo o teng. Molato o, o tla sekwa ke ditshoswane.

Ke ne ka bitsa bana go ba lotlhegela gore go etsagalang ka Rrabone, ba tshwanetse ba itse kana motho o ke Rrabone. Rebaone o santse ele lesea, o santse a tla tlhoka Rraagwe mme batho bangwe ba kgethile gore ba mo tseele Rraagwe. Ene le Rraagwe ba ratana go fitisa selekano, ka nako dingwe ke ne kena le go nna le mona ka kamano e ba nang le yone ene e kgethegile ka nnete. Rebaone ke ene ne ke mo utlwela botlhoko go gaisa bana botlhe, one a rata Rraagwe ele ruri.

Rebaone one a utlwile botlhoko tota, a sa kgone le go ja ngwanake. Ke itse botlhoko bo a bo utlwang sentle, Ntate o tlhokofetse ga ke sale lekgarebe. Gate one a jesitswe ke wa legwafa, o ka se itse gore basadi ba bantsi bone one a dirang ka bone ka gore Mme ene ele mosadi o tswileng matsogo, mosadi gare ga basadi. Ga ba nke ba kgotsofala re tla reng? Ga kene ke nyalwa ke ne ka ipotsa gore a mme monna o, o tla fetoga a tshwana le Rre a tsamaya a jwala-jwala peo ya gagwe naga e yotlhe mme one a ntshwabisa. Moreri ene ele monna o nang le pelo e ntle ebile a ka se utlwise ope botlhoko ka maikaelelo, one a rata lelapa la gagwe ka pelo ya gagwe yotlhe. Se se mo tlhagetseng sene se sa mo tshwanela tota, a sa tshwanela ope.

Nna tota ne ke latlhegetswe ke tshepo yotlhe, ke ne ke rapela gore Modimo a amogele mowa wa gagwe. Rebaone ene one a na le tsholofelo, o tla fitlhele a bua are

“ Mama, Rre wa go boa otla bona.”

Ke ne eletsa gore nkabo ke na le yone tshepo eo le nna fela morago ga se se diragetseng maloba kwa sekgweng go thata gore nka solofela sepe.

Gone gole lamatlhatso mo mosong, ga rene re tlile go bidiwa. Ene ele gone ke tsogang, ke ise ke itsokotse le legano tota. Modisa mongwe are o bone Moreri, ga ka a tla ka botsa gore a wa phela kapa jang. Rebaone one a itumetse tota gore Rragwe o bonwe. Ne ke sa batle le go ngangisana le ene gore Rraagwe a ka tswa a tlhokofetse, gape le nna ne ke sa itse.

Ga ke fitlha kwa, ke ga okare nkare lefatshe fetoga ke tsene. Monna wa me one a rapaletse fela foo, go sa bontshe a na le botshelo. Ba mo apotse kwa go dimo mme ba mo apesitse borokgwenyana bo bosetlhana. Nka se tsamae ke lebetse letsatsi leo. Ba ne ba rwetlile monna wa me, ba mo tsere boboko, loleme le mapele. Modimo wa kgotso, se ga se tsela e siameng e motho a tshwanetseng a tlhokofale ka yone. Erile ba fetsa go mmolaya ba mo latlhela fela foo, modisa a tlhalosa gore one a seo erile a feta tsatsi le le fetileng.

Ga ke ise ke tlhakatlhakane ka tsela eo, ga ke fitlha kwa gae mafoko ke ga a palelwa le ke go tswa mo molomong go elela dikeledi fela. Selelo sa ga Reba ke sone se neng se nkgarola pelo le go feta. Ga ke itse gore nna le bongwanake re dirileng go tshwanelwa ke kotlo e kana kana. Ke sa itse le gore ke gomotse bana jang, kutlobotlhoko e ba e utlwang le nna ke ne ke e utlwa.

Ke ne kesa kgone le go rulaganya tirelo ya phitlho, bomalome ba teng ba ipeile kwa pele. Ga gona sepe se nka se dirang, mme fela se ba se direleng mo monneng wa me ba tlile go se patelela ke ikana ka lebitla la ga MmaMoswane. Nna ke apere diaparo tse dintsho, bana ba me ga bana ntate bone ba ja monate. Ka bona ba patetswe dimmilone tsa diranta fa nna ke tlile go sokola go tlhokomela bana ba bararo ke le mongwe. Se se diragaletseng monna wa me se tla sekwa ke Modimo, akere ke Ene fela a itseng gore go diragetseng ka Moreri.

BOKHUTLO!!!

O ithutileng ka padi ee?