Mo mosong, batho botlhe ba motse ne ba setse ba utlwaletse ka ga ene. Mme ba tla go thusa go mo batla. Raya mo dikgweng, gare ga mpa ya sekgwa mme a seka a bonwa. Ga batliwa ngaka, ene e batlilwe ke balosika la gagwe kea bona ne ba nagana gore ka gongwe nna ke itse kwa monna wame a ileng teng. Ngaka ya fitlha, mme ya tlhalosa gore o santse a phela mme o tsheletswe mo bojalweng. Kana monna wa me one a nwa fela golo gole gongwe, kwa ga mogadibo wa gagwe mme ebile kgaitsadiake one a nyetse teng kwa lapeng leo.
Ke ne gakgametse tota gore tota ke bone ba ka etsang tiro e maswe e. Ngaka ene e tlhalositse gore, monna wame o santse ale teng kwa. Ba mo fitlhile mo ntlong, mapodisi a ne a bidiwa. Mapodisi a teng le one ga a tsena a bua dikgang tsa gore ba ka se tsene fela kwa ntlong ya batho mme bare ba batla motho. Ke ne ke setse ke feletswe ke maatla, ke sa itse gore tota nna gate ke dire yang.
Ga ntse ke tsamaya mo tseleng ka kopana le monna mongwe wa ngaka, Phokojwane. Ka mo dumedisa mme ra botsana matsogo ga ke santse ke re re feditse a mpolelela gore a ka nthusa, wa itse se se diragetseng ka monna wa me le gore re tshwanetse re dire nako e santse ele teng ka gonne batho ba ba mo tshotseng ba rera go mmolaya ka letsatsi la keresemose. Pelo ya ka rutla-rutla madi, ebile okare ya nkgama, ka se ruga selelo. Tota ga ba ka mmolaya ka go sala kele waga mang? Ka go dirang bana ba bararo ke le nosi? Tota lefatshe le na le bosula.
Mo mosong, phokojane a tla le ditaola tsa gagwe. Ka bona okare Malome ga a tshwarege sentle ka kgang ya gore ke batlile ngaka. Mme ka didimala fela. Phokojane a tlhalosa gore oko motseng mongwe, ba mmeile fela mo ntlong. Phokojane a tlhalosa gore ntlo ya teng ke e ntseng jang, a ntsha le aterese. Ka kgothala gore monna wame re tlile go mo bona ebile mowa o santse ole mo nameng.
Bomalomaagwe ba ithaopa gore bone batla ya kwa motseng oo, ba tla tla le ene. Ke ne ke batla go tsamaya mme ba gana nang ya banyana, ke ga batho ebile ba gakgametse gore goreng ba ipatla ba le nosi. Mme kare bogolo ba tsamae le mosimane wame wa boitibolo, mme gone gosa thuse sepe ka gore le ene ke motho fela o sa nkeng a akanya, ba go mo tshasa bobi fela mo matlhong ebe a dumalana le dilo tsotlhe tse ba di buang.
Ka tlhola tsatsi lotlhe pelo yame e shwega shwega, ke itshola gore ke eng ke ne ke sa tsamae le bone. Batho ba rona ba tla, ba tla ba iphotlhere. Bare ba fitlhetse mosadi mongwe mme mosadi o are ene ga itse sepe ke gone a tsenang o tswa sekaekae. Ka ba botsa gore a mme ba tsene mo ntlong eo go tlhola gore a monna wa me ga ayo. Ba shadikanya matlho, ke ga ke kwatile tota. Ka ba bolelela tse ba dijeleng ka motsi wa tlala. Ka simolola le go belaela gore ka gongwe ba itse kwa Rragobanake a leng teng.
Phokojane atla maitseboa, a feta a bua gore ba mo sutisitse ba mo isitse kwa logageng longwe mme ba na le ngaka e nang le maatla tota. Go ka senne bonolo, ke ne ke ka rata ga balosika lwa gagwe ba ka se tlhole ba nna teng mo dipatlisisong tse. Fela ne ba tlhola ba le fa nako le nako okare gotwe ba katile sengwe.
Ka simolola go akanya, kana Rrabo o simolotse go tlhakatlhakana lego feta fa Malomaagwe a fetsa go mo tsaya are omo isa kwa mothong o ka mo thusang. Mme o nyeletse morago ga gore a tsamae le ene are mosadi wa gagwe o dirile dititielo. Ka modimo ba rekisitse monna wa me!
Ka letsatsi la keresemose, a ka kgona le go ja sepe. Ke gopotse mafoko aga phokojane, gore ba ikaelela go mmolaya ka lona letsatsi le. Ka rapela modimo gore a buse monna wame a santse a phela. Kana ke khutsanyana, monna wame le bana bame ke bone fela ke nang le bone mo lefatsheng le, a ke bone nka phela ntle le monna wame.
Ke ene seikokotlelo sa ka, ke ene ereng ke ikutlwa ke latlhegile a mpusetse mo tseleng ntle le ene ke wa ga mang? Tota ke mang o setlhogo se se kana oka dirang tiro ya mofuta o.Phokojane atla, le maphodisa ane a tlile go tsenwa mo leetong la go batla monna wa me. Le bone ba ke sa ba batleng bale ba le teng. Ke bone ba itseng kwa monna wa me a leng teng ke ikana ka bangwato ba ntsetse. Mme tsotlhe ke dibaya mo diatleng tsa ga Ramasedi, a gona molato o sa nkeng o atlholwa. Modimo otla nkatlholela
Hee, wa itse dilo tse tsotlhe one okare dine di diragala mo baesekopong, kare movie. Ga e kare re tla fitlha kwa logageng leo. Phokojane a simolola okare oswa lentswe, a palelwa ke go bua. Go ne go sena sepe se reneng re ka se dira ka gore ke ene oneng are eteletse kwa pele, ebile are bontsha le tsela. Maphodisa a bona gore re boe ka gonne ne re ka seke ra tswelela kwa pele, go a bonala gore ngaka ya bone ene ele kotsi tota. Re ka se tsene fela mo logageng ne re tla tloga re diragalelwa ke sengwe se maswe, le nna tota ne ke setse ke boifa. Ya nna gone ga ke itlhoboga, monna wame nka se tlhole ke mmone, motsing ke mmonang etla bo ele setopo.
Ana o kile wa lahlegelwa ke motho o moratang? Oile wa ikutlwa jang?