Ka dinako dingwe o fitlhele o kare motho a ka busetsa nako ko morago, o ipotsa fela go diregile eng, go senyegile kae. O kare nka latela Modimo ke mmotse gore kante nna ke direleng Rra, ke leofile gole kalo gore ke tshwanelwe ke kotlo e kanakana, ke tlhoke le botshabelo kana le bone masika ‘dinta tsa go lomela kobong. Motho aka se itse le gore o tshepe mang.

Go utlwagala okare dilo tsotlhe di diragatse maabanenyana fela fa mme esetse ele kgwedi. Ga go bonolo gore motho a lebale dilo tsa mofuta o. E setse ele kgwedi mogatsake a tlhokofetse,gore monna wa me o jelwe ke eng motho, go itse modimo fela. Motho a kile a nyelela fela kae go sena ope o itseng gore o tserwe ke eng? Dimakatso ele ruri!

Ene ele Lamatlhatso motshegare, monna wame are o bona bathonyana ba bannye ba o kareng dithokolosi, ga kise ke tshoge go gaisa nako eo.

“Ele gore RragoReba o raya jang fa ore o bona bathonyana?”

“Kare a kere ke a budulala fela ke bona dilo tseo, tsare re tsamae. Nna tota akitse gore go etsagalang ka nna”

Ke ne ka tshoga thata ke sa itse le gore nka dirang. Ka bitsa bagaabo gore batle go ntibisatibisa, ba nthuse go akanya gore dilo tse di ntseng jaana di rarabololwa yang, etle ere motsiong dilo di senyegileng go seke gatwe ke nna ke di itseng. Malomeagwe, Molefi are otla mo isa kwa mothong gore ake a mo tlhatlhobe a bone gore matsapa a fo kae. Kante mma ke isa monna wa me lesong la gagwe, gone nna neke sa itse. Hee, motho ga itsiwe ese naga.

“KO! KO!” Mongwe a kokota ebile nna ke santse ke itebetse, monagano wame o tabogile le naga.

“Tsenelwa ka kwano. “ Tota nna ne ke se mo maemong a go etelwa. Eseng kena le mathata a makanakana.

“Dumelang mo ntlong, ke neke feta mme kare ke tle go tlhola setlogolo gore se ntse se tsoga yang.” A bua a ntse a nna fa fatshe.

“Nnyaya ene wa tsoga tsoga, kana matsatsi ga atle ka go tshwana. Reba tlela malome sengwe sa go nwa foo.” Ka goeletsa gofele wame.

Reba a tla a re tsheletse senotsididi le dikukunyana.

“Dumela malome.” Reba a dumedisa malomeagwe a ntse a re naya gore re godume.

“Dumela setlogolo, kare o godile ruri mo nakong e a fediseng pelo tlabo di goroga dikgomo.” Ga bua malome.

Ra swa ka ditshego, kana malome lene ga a di bona dijo aka se fetse go bua, mainanatho fela. O fitlhele okare motho aka mo raya are “o maka tlhe Rra”.

RragoReba one a ntse a ikhuditse kwa ntlwanaborobalong, mme a tla go nna le rona. Dikgang tsa ga malome le tsone di sa fele. Kare asa felelwe ke motlotlo, ga re santse re tlare motho o feditse o simolola gape ka kgang e nngwe.

“Bagaetsho, tlang ke riana ke le bona ka le lengwe.” Malome a bua a ntse a ema.

“MmagoReba tla ke tswe le Malome ke itshidile maoto, ke fokwe ke phefonyana.”

“Ao, tota okare o le molwetsi o be o batla go fokwa ke phefo. Nna fa fatshe maoto ao ke tla phirima ke a sidila fa ele gore o batla go sidilwa maoto.” Ka gana, kana motho o molwetsi.

“Nnyaya, go siame setlogolo a tsamaye lenna tota mme kana ase gore otlabo a latlhegile, Mmabo o dirile bojalwanyana ba setswana fa gae fale.” Malome a bua.

Ka dumela fela, mme mowa wame o gana. Ke tlareng tota, ne ba tsoga kamoso bare ke gana ka ngwana bone, motswana o mo tshabele mo setlhareng sa mitlwa.

Mathata ga nna gone ga simologa, ka itshola gore tota ke eng ke ne ke sa gane a tsamaya ka ene. Monna wa me a simolola go bua a le nosi, o kare gotwe motho a tsenwa. Ga ke botsa gore o bua le mang o kare gotwe ga a mpone le go mpona gore ke na nae.

Erile mo mosong ka tsosa Thabo, ngwana wame wa bobedi kere a tsee Rraagwe a mo ise ko mothong a tle a mo tlhole tlhole ka nna ke santse ke ya tirong. Thabo a seke a gana, Rragwe ene asa itse le gore go diragalang. Pelo yame e dutla madi ke ipotsa tota go diragalang ka monna wa me. Gongwe ba ne ba jesitse kgotsa ba mo gatisitse, baloi ba motse o, bo nkgekge!

Fa ke tswa tirong ka fitlhela ba ise batle, mme kere ke similole go di fisa marago gore ere ba tla ba sule ke tlala be fete ba buge legaba. Erile fela ke fetsa ke fa ba itelekela, ba lapile ruri. Thabo a ntlhalosetsa gore ba kopane le ene Rre wa ngaka mme ga aka a kgona go mo thusa ka gonne are dikgang tse di batla bagolo, Mme omo file sengwenyana sa gore a kgone a robale bosigo.

“Ao, Thabo jaanong ke eng one osa nteletse kana nkabo ke ne ka ikopa kwa tirong mme ka tla.” Ka bua ke galefile tota.

“Hee Mma kana nna a ka nagana, intshwarele mma.” Thabo a bua a ikobile.

“Go siame, intshwarele go go galefela ka tsela e. Seemo se sa ga Rrago se ntlhakatlhakanya maikutlo ele tota. Tla ke riana ke fe Rrago dijo.” Ka bua ke ntse ke tswa ka phaposi-bojelo.

Mogatsake a kgona go ja, ke itumetse ka gonne tota ke kgale asa je sepe. Ka ipaakanyetsa go ya kwa ntateng wa ngaka mo mosong. Ke sa kgathale le ka goya tirong, monna wa me wa ntlhoka. Ke nako ya gore ke tshware phage ka mangana pele ga dilo di ka nna maswe le go feta.

Gone gole maitsiboa fa RragoReba a nyelela, kana o rile o ya ntlwaneng mme ra seka ra tlhola re mmona gape. Matlhotlhapelo ele ruri, ka raya Thabo gore ako aye go tlhola Rragwe kwa ntlwaneng mme a fitlhela a seo. Ka similola go aparelwa ke letshogo. Kare kene kele mo metsing ke tlhapa, ka apara ke ntse kele metsi. Gare fitlha kwa go malomaagwe, ra se ke ra mo fitlhela. Ra tlala-tlala le naga e yotlhe re mo senka, naga e ntse tshetlha.

Ga one ole mosadi oo one otla dira jang?