O ne o le tsala ya me ya tlhogo ya kgomo
O ne o le jaaka nnake
Bosigo le motshegare e le sengwe se se esi mo go rone.

Re ne re tshela jaaka bana ba motho
Re dirisa sejana se le esi
Re bolelelana sengwe le sengwe
Ebile re ntshana se se inong

Ijoo! Gaabo go dira getse eng?
Gompieno go fetogile e le ruri
Meno masweu polaya e tshega le wena
Re itana ka noga e tshela.

Satane diabole o itumetse
O tshabe motho!
Motho ga a itsewe e se naga
Tota le naga ga e itsewe.