Tlhapi solofela leraga metsi a tshele o a lebile
Erile ke lela selelo se se boitshegang
LA se nkgadime
LA itlhokomosa nna
LA dira ekete GA le nkutlwe
LA nkatoga
Bangwe ba tshega
Bangwe ba thusa go ntshotla
Bangwe ba nkgerisa
Bangwe ba nkutlwisa botlhoko
Ke sena mang wee
Ke sena motho yo Nka buang le ena
Ke sena kwa ke ka llelang kwa teng
Go ne go se ope yo o tsayang dikgato
Ka jaalo ke le bolelela ke re….
Kea tlogela
Ka re Kea tlogela
Kea tlogela GA go ope yo ka nthibang
Kea Tlogela GA go yo pelo dithata
Yo o tsamayang le nna o tla ntshala morago
Kea tlogela ke dirile go lekane
Kea tlogela GA go ope yo o ka nthibang
Kea tlogela go tlhola ke ingala
Ke lapisitse ke go kgatalela batho mme ba sa nkgatalle
Kea tlogela tiro ya me e fedile……..

Poem dedicated to Lufuno
May her soul rest in eternal peace