Ke tshepa fa o tlhopile sentle
O tlhopile yo o maleba
Yo a ka se keng a go roba pelo
Mme wa retolola tlhogo ka boikotlhao

Ke tshepa fa a go rata le wena o mo rata
A go rata go fetisa jaaka ke ne ke go rata
Go nne lame lerato le fetogile leratha
Jwa gago bodulo pelong ya me bo fetogile letlotla

Go a tle gotwe moipolai ga a lelewe
La gago leso ke la thakadu
O ikepetse lebitla pelong yame
E re lefatshe le go tlhanogela o se lebale goswa se nku