Basimane bao ba ne ba itirile ngatana
Ba ne ba eme ka digongwana – ba ikanela kgarejana.
Ba ne ba eme ka ditsetsekwane! Ba mmone a potela!
Pote!
A ba lemogele bogwenegwene le bolotsana.
Kaparo tsa bona di kaya botsotsi o le kgakala.
Ga ‘se batho! Dilalome; kagiso ba a e utlwalela.
Ba e tshabela ‘tlhareng sa mmitlwa! kgolegelo ga e ba tlatse sehuba.

Basimane bao ke dirukutlhi, ba a bogelwa, ga ba kgalengwe.
Ga ba thijwe – o fitlhele marapo a babogedi a roroma teme-teme!
Ba tshaba go tlhajwa ke ‘rumo le sa ba lebana;
Ba tshaba go ipakela marara ka go rarabolola;
Ba tshaba go gatakwa ke diganana.
Batho ba go itotlela magaga, ba bue tsa bona dipuo.

Batho bao ‘thipa ba di tlhabela boatleng;
Ba a kgabetlelela – madi a tshologele boatleng.
Ke maferefere ba fefera ka “oukapi”!
Ga ba batle go bona masente, ba tabola gotlhe ka bogotswana.
Meriri e tlhakatlhakane; e nkga phuu! Leswe!
Ba ipitsa ka maina a sa tlwaelesega;
Maina a itsiweng ke bona fela borra-thipana.