(Tlantlape le ditsala tsa gagwe ba mo sekgweng ba fegelwa tota morago ga go taboga sebaka se se leele)

Tlantlape: tota ke batlile go bolawa ke motho (a bua dikeledi di tshologa) ke la bofelo ke dira lenyatso le le kana, bona gona ga jaanong ke dikgopo tsame di botlhoko jang (a lela thata)

Kgwaratlha: Selele molekane.

Ntsimbi: Ya mosimane ke e nkgwe (o bua a tshega) ba go kabolotse ditsebe tse disa utlweng tseo.

Kgwaratlha: Ntsimbi ga o sena se otla se buang didimala (o bua ka bogale)

Ntsimbi: Ke bua nnete o siamololetse bannabagolo tota.

Kgwaratlha: O bue sentle ka gore re nole bojalwa rotlhe, e bile wena ga wa utlwelelwa ke thupa e go fositse ke ka moo o buang bonolo jalo.

Ntsimbi: Ga se ke re a tshose bannabagolo a be antshiela bojalwa ga ese nna.

Kgwaratlha: wa bona wena, wa bona wena ke tla go… (Tlantlape a bua le bona)

Tlantlape: Ke ipona molato ga ke a direla rremogolo sentle ke moswabisitse fa pele ga ditsala tsa gagwe,ke batla go ikopela maitshwarelo (o bua a hutsafetse thata) ke a leboga Ntsimbi go mpontsha gore ke dirile phoso, a re tsamayeng re ka selale mo sekgweng (ba a tsamaya , ba fitlhetse rremogolo a gotsitse molelo a dira dijo tsa maitsiboa

Tlantlape: rremogolo ke kopa maitshwarelo ka se ke se dirileng ka ngwaga o o fitileng le gompieno.

Kgwaripa: dula fa fatshe mosimane (Tlantlape o dula setilo) a o tiisitse ka seo se buang?

Tlantlape: Ee rremogolo

Kgwaripa: ke a go dumela monna ga o sa tlhole o le mosimane jaanong (rremogolo o a tshega) o monna ngwana ngwanaka.

( tlantlape o ne a itumetse gore rremogolo o moitshwaretse)

Tlantlape: ka je lelatelang ke tshwanetse go kopa rre Nakalapelesa le rre Twetwee maitshwarelo , ke lebogela gore o intshwaretse rremomogolo.

ke tsona tseo tsa ga mosimane Tlantlape morwa Tontosi, tontosi morwa Kgwaripa,kgwaripa morwa Leebalakgotla, ke tseo!

***