(kwa go Kgwaripa go tsena monnamogolo Nakalapelesa le monnamogolo Twetwee , batla ba tshotse nkgwana ya bojalwa, ba a dumedisa).

Nakalapelesa: kwena!

Twetwee: Dumela monna Kgwaripa, o ‘sego re go tlisetsa mamepe o kakaletse, dumela

Kgwaripa: Dumela Nakalapelesa. Di a reng dikgang?

Twetwee: Hee monna Kgwaripa ke a dumedisa

Nakalapelesa: Dikgang ga di fele kwena , re tsoga fela re bona bo Twetwee ba tsoga ba ipolaisetse ntshe(bojalwa). Fa o bona a sa bue sentle lewena jaana.

(Kgwaripa o tshwara nkgo ya bojalwa o a nwa, o baya nkgo fa fatshe ,o tshegela kwa godimo)

Kgwaripa: Ke a bona jaanong!

Twetwee: O a ntshega setlaela ke wena , ke tla go ruta maitseo.

Nakalapelesa: Tweetwee , se dire jalo rraetsho.

Twetwee: Didimala wena! fa o ne o sa bua, setlaela se se ka bo se sa itse sepe.

Kgwaripa: Pelesa tlogela mosimane yoo ke mo bontshe gore noga ga e la telwe mo mosimeng.

(Tlantlape o ne a tsosiwa ke modumo kwa ntle, a ikotlolola fa a latlhela bofofu a bona bannabagolo ba kgakgauthana .gape a bona le nkgo ya bojalwa a simolola go loga leano, fa a ntse nagana ke fa go tsena ditsala tsa gagwe)

Kgwaratlha le Ntsimbi: Dumela monna Tlantlape.

( Tlantlape o ne a sa ba utlwe o ne a nagana gore a ka tsietsa bannabagolo jang, ba mo dumedisa gape)

Kgwaratlha le Ntsimbi: Tlantlape dumela (ba buela kwa godimo)

Tlantlape: (a dumela a tlola) dumelang mathaka ke na le leano, le belelang fela lona.

Kgwaratlha: O bua ka eng nare monna

(Tlantlape o tswela kwa ntle)

Tlantlape: (o simolola go goa) Ijoo! thusang tshwe-tshw-tshwe-ne montlwaneng tshabang ijooo tshwene bontatemogolo tsshabang wee.

(bannabagolo ga se ba re kamoso ke fa ba tshaba ke gafa mongwe le mongwe a ipatlela phatlha,Tlantlape a itira yo o tshabang mme a boela mo ntlwaneng)

Tlantlape: Tlayang banna re kolobetse memetso (a tsaya nkgo a nwa) tsaya o utlwe momela monna

Kgwaratlha: (o tsholetsa nkgo ya bojalwa) wa utlwa ge-e!

Ntsimbi: Senwe gotlhe tlhe monna.

Kgwaratlha: Hee tsaya o nwe o tla nja ke sa butswa.

Ntsimbi: (o nwa bojalwa) o bue lenna sentle wena ke tla go tsaa tsaa go na jaanong sematla ke wena

Kgwaratlha: Ga ke itewe ke dirametla nna.

Tlantlape: Se lweng banna ka na golo fa regama ya mafisa ao. bannabagolo ba atla ka fa le nnetse hewe hewe! ( o tsikinya nkgo) re a timiwa ruri!

Ntsimbi: gontse jalo ‘thaka.

Tlantlape: Ko gore bannabagolo ba ba tlhola ba retima (o bua a tshega) otlile wa bona kae tshwene mo motshegareng o o kana ke bua ka sethobolokoo, ke ba baakantse. (o a tshega)

Ntsimbi: Tlisa tlhe Tlantlape ke kolobetse, re timiwa ntho tse monate ne ke omeletse kgokgotso ai! (o a tshega)

(basimane ba ne ba robala fa ba sena go fetsa bojalwa)

***