Motsamai o tsamaile wile magoletsa
Ke a goeletsa ke eletsa go tsamaisa kutlobotlhoko
Ke setlhogo, botlhogo ba ntlhakgolo
E e tlholang dipharologanyo
Fa ditlhaloganyo di akanya diaroganyo
A ke lorato fa o ntlogela
Ke go tlhoka, ke tsheletse go go boka e fela o lesa go mpoka?
Ke utlwela sengwe gote ke botshelo
A se selo ka ke tlhola ke utlwa selelo
Sa ngwana bosigo le motshegare
Fa gare ga teng go a baba
A e ka ba ke yona tholaborethe?
Loleme lo borothe lo roba dipelo lo kgothatsa ka maaka
Maatla a me a go lwela kagiso le kutlwano a wele
A wetse mo metsing
Le itsing gore ga le tlhoke banna
Ga ba le neye botshelo
Monna a se selo
O tshwana fela le lefela
Fa a batla go tsamaya, mo letle
Le tle go bona motlhang a boang
A buang ka moo a leng maswabi ka teng
E fela o tshetse a se teng
Ga se lorato.
Le ne la tshoga fa a ne a tshega a bona le tshologa madi a palelwa ke go le tshegetsa
Tshaba motshabi o tshabile Motsamai
O tsamaile a tsamaela kgole a tsamaisa maoto a tletseng lerole
La ne la mo amogela la amogela kgutlo ya gage
Ke ka gonne le na le botho
Mo go nang le botho teng, botshelo bo teng.
A me a kalo.