Boitumelo jwa fetoga kutlobotlhoko
Leru ntsho la ba aparela
Monyenyo o ile, gwa sala diikeledi
Lekgarebe la lela

Bomonnamogolo ba hupa tedu
Rakgadi a tetesela
Dira di wa ka ditshego
Fa e le mosetsana e na…

Tlhobolo ya tla, ya feta
Ya kopantsha lekau le lefu
Monyadi a ba sia fela jalo
Monyadiwa fa botlhokong

Mpuru a farelwa
Tshega ya fapoga metsetelo
Gwa nkga go sa bola
Matswakabele le tlhakantsuke
Gwa utlwagala sello fela
Sello sa ngwetsi