Ga ke a swabisiwa ke gore ga go a direga jalo. Le eseng. Re na le dilo tse di botlhokwa tse re tshwanetseng go lebagana le tsona. E bile, go siame gore ga se a direga. Se ne se tlaa ntiya. Se dira gore ke latlhege. Ntire gore–

“Jazz? A o utlwile gore ke rileng?”

Ga ke a utlwa sepe. “Maitshwarelo, ga ke a utlwa karolo ya bofelo.”

“Ke rile,” Nate a buela kwa tlase ka go kgokgontsha, “gore re na le dilo tse re sa di fetsang. Fela, re tshwanetse go fetsa ka dibini tsa go ntšhafatsa.”

“Eh, Nate? A seo ga se na go tlhola mathata?” Fa go na le mongwe kwa laeborari, k aba re bona kgotsa ba re utlwa re sutisa dibini.

“Go jalo. Ke ka moo re tshwanetseng go dira ka bonako.”

Nate a mpontsha gore k emo sale morago fa a khunama mme a tsamaela kwa dibining tse dikgolo tsa Mondi fela fa ntle ga laeborari. Go gaufi thata le matseno a laeborari mo go tshosang, fela ke ne ka tlosa letshogo la me mme ka dira jaaka a ne a dira.

Mohumagadi Felder a tlhagelela kwa mojakong wa laeborari, a lebelela lefelo jaaka ntsu e batla sejo. Nate a ntswala molomo ka seatla sa gagwe fa a utlwa ke leka go hemela kwa godimo. “Ao Modimo, a bo a sa re bona. Tsweetswee.

“Ke go boleletse gore o se ikgolaganye le bašwa,” Mohumagadi Felder a rialo mo mongweng.
“Fela ga o ke o reetsa, a ga go jalo?”

“Nnyaa tlhe, Ma. Emanyana pele. Ke dirile se ke neng ke tshwanela go se dira.”

“O tla direga jang fa o ka reetsa fela ka letsatsi le le lengwe, Benjamin? Ga ke kitla ke kgona go tlhola ke go thusistse ka mathata a gago.”

Mmaagwe Langley ke Mohumagadi Felder? Ka nna fa fatshe, ke leka go bona botoka, fela Nate a nkgogela mo fatshe.

“Maitshwarelo, Ma. Fa ke fetsa go duela molato o, e tlaa nna bokhutlho jwa se. Ga nkitla ke tlhola ke tshameka ka madi. Ga ke na go tlhola ke rekisa babole.Sonja o tlaa nkgolaganya le tiro e nngwe ya borutabana kwa Kapa. Go itse mang? Gongwe ke tlaa mo nyala, ke go fe ditlogolo tse dintle fa nako e ntse e–”

“Wa phapha. Mosetsana wa blondie ena?” Mohumagadi Felder a botsa.

“Ke fetsa go bua le ena. Ga a bue sepe e bile o tshepisitse gore ga a kitla a letla gore tsala ya gagwe go bula molomo wa gagwe.”

“Re tlaa bona ka seo.”

“Benjamin .. ga ke itse. Ke go diretse tsotlhe tse di molemo. Ke go dueletse sekolo, ntlo ya gago. Ke buile le Rre Mulder gore a go fe tiro e. Ke–”

“O seke wa lebala karolo ya fa monna wa gago a ne a nkoba mo ntlong. Ke ne ke le dingwaga di le 18 fela.

“O ne o sa utlwe ka nako eo, fela jaaka gona jaanong! O tshwanetse go tsaya maikarabelo, Benjamin. Ga o tlhole o le ngwana!” Lentswe la ga Mohumagadi Felder la thubega fa a rialo.

“Gongwe. Fela ke ne ke le ngwana fa o nyalana le Hendrik, mme wa mo baya kwa pele ena le ngwana wa gagwe.”

“Benjamin, seo ga ese nnete. Ke dirile ka bojotlhe go go tlhokomela, ngwanaka.”

“Sengwe le sengwe se o se buang, Ma,” Langley a rialo a le bonolo. “Ke tlhoka go tsamaya fa, ke se bonale nakwana. Ke tlaa leka go go leletsa mogala fa se se didimala.”

Mme fela jalo a tsamaya fela jaaka dišaše o a leng ena, lebokoso la khateboto le le mot lase ga letsogo. Mohumagadi Felder a mo lebelela go fitlhela a nyelela, mme a tswelela go lebelela le fa e ntse e le kgale a sa tlhole a bonala.

Ka hemela kwa godimo e rile fela fa Mohumagadi Felder a boetse kwa laeboraring mme a notlela mojako.

“Ke e tshwere,” Nate a riano, a nyenya a sa fetes.

“O tshwere eng?”

“Ke rekotile Felder le Langley. Le fa e le gore maemo a yona a se a kwa godimo, fela Rre o itse batho ba ba ka e phepafatsang.”

“OMG!” Ka rialo ke latlhela diatla tsa me mo go Nate. “Goreng ke ne ke sa akanye ka seo?”

“Gongwe ke ka gonne o ne a tsweletse go loma letsogo la me.” Nate a nyenya fa a lebelela mo mogaleng wa gagwe. “Fela ke tlaa tlogela seo se feta ka gonne re na le bopaki jotlhe kgatlhanong le Langley. Re tshwanetse go isa se kwa go Mme Ngema.”

Tota re dirile seo. Gotlhe mo mogaleng wa ga Nate. Bopaki jwa go rekisa diritibatse gwa ga Langley. Le bopaki jwa botsaya karolo jwa ga Cheryl … Se se raya goreng ka ena?

“Ga ke itse, nate. Ke akanya gore re batle Cheryl pele.”

***

Re bolelele: A o utlwela Benjamin Langley botlhoko, fa o utlwa ka ga botshelo jwa gagwe?