“Ke lentswe la ga mme,” ga bua Afrika.

“Ao bathong, o latlhegile! Ke a utlwa gore o utlwile botlhoko. Go utlwala e kete o gaufi le tafole ya borekisetso jwa dibuka. Tlaya, a re taboge, Asanda!”

Mmogo bana ba tabogela kwa tafoleng ya borekisetso jwa dibuka, mme foo, fela mo pele ga yone, e ne e le Mme wa Afrika le Dintle. Mama a bula matsogo a gagwe mme Afrika a tabogela mo go one.

“Dumela, Mama, a o siame?” Afrika a botsa.

“Se tshwenyege jaanong, re lo bone wena le Dintle. Ga lo tlhole lo latlhegile.”

Dintle o ne a itumetse thata go bona abuti wa gagwe yo mogolo. Afrika a inama mme a mo tlamparela.

“Mama, yo ke Asanda, tsala ya me e ntšhwa,” ga rialo Afrika. “O nthutile go tshwarelela lebotlolo la senotsididi mo tlhogong ya me. O batla go reka buka.”

“Dumela, Asanda, ke itumelela go kopana le wena,” ga rialo Mme wa Afrika a nyenya. “Jaanong, a re lebeleleng dibuka mme re bone gore re tla bona eng! Afrika, Gakologelwa gore o ne o batla go ithuta go dira ntlo ya dinonyane.” Botlhe ba ne ba tsaya nako ba lebelela dibuka mme Mama a bona buka nngwe e e bontshang go dira dilo tse di farologaneng ka legong. “Tsweetswee, a nka e tsaya?” Afrika a botsa mmagwe.

“Ee, fa e le gore o a e rata,” Mama a rialo.

Jaanong e ne e le nako ya go tsamaya. “Bona, Asanda! Ke ya gae ke beile buka ya me mo tlhogong!” ga bua Afrika, a beile buka ya gagwe e ntšhwa mo tlhogong ya gagwe.

“O se ka wa lebala go tsamaya o le motlotlo, jaaka kgosana!” Asanda a tshega.