Palesa le ditsala tsa gagwe ba ne ba kgotse, e le ditshego tse di ganang go fela mo koloing le mmino o ne o lelediwa kwa godimo thata,e rile gontse go tshegiwa jaana ,ra bo re utlwa “Thuuuu”! Le modumo wa marapo a Motho o kare a robega.Ditshego di ne di a fela,rotlhe re ne ra rotolola matlho re tshogile tota,Molatlhegi a gatelela maboriki,koloi ya emelela kwa Pele ya re tsi!le dikakanyo tsa rona le tsone di a ema, ratswa rotlhe mo koloing dipelo tsa rona di beletsa ka pele,di utlwala mo ditlhaloganyong tsa Rona.

E rile re lebelela kwa morago ga koloi ,Motho o ne a rapaletse fa fatshe mo tseleng,morwalo wa gagwe o tletse tletse le tsela.Re le mo tseleng nngwe e batho ba emelang ditekisi kwa teng,mme go ne go le bosigo thata,go sa bonale koloi kgotsa tekisi epe e e fetang.

Gantse moeka le ditsala tsa gagwe bantse ba tsamaya jaaka dithotsela mo tseleng baya go lebelela gore ke mang yo o robetseng fa fatshe,Olebogeng abo a bona sengwe se seneng sa dira gore pelo ya gagwe e eme.

Monna yo o neng ba mo thutse ka koloi yo,e ne e le Rraagwe Olebogeng.

Moeka o ne a eme tlhogo,a sa itsi gore a ka dira eng.

“Ijoh!ke ipolaetse Rre”. Go bua Olebogeng antse a lela.

Olebogeng o ne a kueletsa kwa godimo a le nosi mo tseleng a leka go tsosa Rraagwe,Mme ka nako eo, Rraagwe o ne a setse a iketse badimong,ditsala tsa gagwe di ne di ipotsa dipotso gore Olebogeng o ne a raya eng ga a ne a re o ipolaetse Rre,mme se ne ba sa se itsi ke gore ,Rraagwe Olebogeng o ne a emetse ditekisi tsa go boela gae ka ane atswa tirong bosigo joo.

E rile olebogeng antse a kua fa fatshe mo tseleng, le ditsala tsa gagwe dintsi di gamaregile di sa itsi gore go diragalang,mabone a a botala jwa legodimo a tla a ya kwa le kwa,atla a lebile ntlheng ya tsela ya ditekisi,moragonyana re ne ra lemoga gore ke mapodisi.go motsotso o,ene e le gore go tla tshwarwa o o sebete.ditsala tsa ga olebogeng di ne di a tabogela kwa koloing dia tlogela moeka a le nosi a lelela rraagwe;dikeledi di kopanela marameng.

E rile mapodisi a fitlha,ga bake ba botsa dipotso,ba ne ba tsaya olebogeng ba mo tlhatlhela.Moeka ka nnete o ne a itsentse mo mathateng,o ne okare akare lefatshe fetoga ke tsene.mme go ne go sena nako ya go boela morago.

E rile moragonyana moeka a le kwa kgolegelong,a bo a tlisetswa molaetsa ba mo raya bare mmaagwe o tlhokafetse ka ntlha ya gore o ne a bolawa ke pelo ga a sena go utlwa se ngwana wa gagwe a se dirileng go Rraagwe,a bo a ikela badimong le ene,matsatsi a mabedi morago ga go tlhokafala Rraagwe Olebogeng..

O ne a lela sello se se botlhoko tota,morago ga matsatsi a mabedi mmaagwe a sena go tlhokafala,a bo e le gore o tswa ka nnete,a bo a bua maina otlhe a batho ba ne a nale bone ka letsatsi leo.Mapodisi a sengka palesa le ditsala tsa gagwe go fitlha ba bo ba ba tshwara ba santse ba re ba tshabela kwa Mozambique.

Olebogeng ene o ne a atlholwa ka molato wa go Bolaya – mmogo le ditsala tsa gagwe,ba ne ba atlholwa dingwaga di le masome a mabedi le botlhano,moeka ene a seke a kgona goya phitlhong ya batsadi ba gagwe.

Ke ka mong ke reng “MAAKA A BOLAYA”

***

Re bolelle: O ithutileng go padi ee?