Matlo go sâ mabapi
E leng selo modiro mo maAforikeng.
Re itse mabogo dinku a thebana.
Kgetsi ya tsie e kgonwa ka go tshwaraganelwa.

Mokoduwe go tsoswa yo o itekang
Re le batho ga re a tshwanelwa kego dula fela.
Phaphama! O tsoge!
Pele o thanya lomapo lo le tsebeng.

O se ka wa nna motshwarateu
Mme o nne moeteledipele
Se ikobonye,o ka kgona!
Letlhogonolo ga ese lobelo
Se iphelle pelo,Tsoga!