E rile re itumeletse botshelo, botshelo ba re itatola rona
Ra iphitlhela mo lefatsheng mo bolweste be renang
Matsigo a ralwa mo ditlhlogong
Maloba ya nna maabane
Re tlhasetswe ke bolwetse bo bo tlhagang kgakala
Kgakala kwa re neng re sa bolo go fitlha
Le fa nama e kopane le mowa, pelo yona e thubegile
Batho ba raga kika ka dipalopalo.
E rile moporesidente a bua le sechaba
Ra iphitlhela re tswalelletswe matlog a rona rare re leka go ya kwa ntle,
Ra re kgatlha, thuu! Le bolwetse jo.
Batho ba lwela dijo tsa mmuso mme rona ba bangwe diselammapa tsa se itsalane le rona ba ikgathela dijo tse ba di batlang ba lebetse motlhophatsi ke yo o kgorang
Ra lopa Ramasedi thuso mme are “re di itirile”
Jaanong re no kopa dipelo di boele mannong
Re sentse re sa bone
Go na jaanong ra leka mme gare kgone
Re kopa lesedi le tsamaye le rona
Re ikopela maitshwarelo