Ke nna mosetsana wa Motswana
Ke ngwana wa mmala wa sebilo
Ke ngwana wa thari e ntsho
Mosetsana wa dikoti marameng

Ke ipela ka setso le ngwao ya gaetsho
Ke mokgatlha ke bina kgati
Ke ja nama ya tšhotšho
Ke setlogolo sa ga Kgosi Lowe.

Bagaetsho! Ipeleng ka setso sa lona
Itumelleng gonna MaAforika
Naga ya rona e tshegofaditswe ka merogo le maungo.
Ditaemane le digauta
Ebile ke naga e e humileng ka lorato le kagiso

Ke legae la diphologolo tse tlhano tse tonna
Go monate gonna moAforika
PULA!!!