Tsatsi lengwe kwa motseng wa Diphuka go ne go nale mosetsana mongwe a bidiwa Lerotse. Lerotse o ne a sa tshwane le banenyana ba bangwe mo motseng. O ne a kgona go bua le dinonyane. O ne a rata go di opelela le go di naya mabele go tswa kwa tshimong ya gagwe. O ne a sena ditsala ka bana ba motse ba ne ba ise ba bone motho yo o bua le dinyonyane o ba mo itse ntle le ena. O ne a sena taba le bona ka dinonyane di ne di mo tlotlela dikgang di le dintse ka mafatshe a a kgakala le ka mawatle le fa e le batho ba mefutafuta ba dinonyane di ba boneng . Di ne di mmolelela ka diaparo le dijo tsa mefuta yotlhe le diphologolo tse a iseng a kopane le tsona. Di ne di a mo ruta mekgwa ee farologane ya go godisa dijalo mme tshimo ya gagwe e felletsa e nale maungo aa kgalhisang . Batho ba motse ba ne ba simolola go galela dijalo tsa gagwe mme a simolola go di rekisa. O ne a nna ngwanenyana wa mogomi mo motseng go feta banenyana botlhe mo motseng.

***